.GoogleGenius-SEO {font-family: verdana; text-align: justify; color: #fff; font-size: 2px; line-height: 0.9; display: inline-table;}

Ka saete e

Dumelang bagaetsho. Ke tlile go ba mainane le maboko a Setswana fa. Fela, ga ke e go tlhalosa ka Sekgoa, gonne ke batla go bona gore ke batho ba ba kae ba ba tlileng go tla fa, ba o batlang go bala mainane a. Nka leboga thata fa baeti ba ka nkwalele lekwalo go dumedisa. Malebo!

9 comments:

Morui Onalenna Shoabi said...

Ke rata your Blog. O tswelle pele ka ho ngola le ho bontsha boqhetseke ba hao!

Unknown said...

go gontle go bona gona le batho ba go twhana lwena ba rata go tsweletsa setswana sa gaetsho..tswella ka tiro e ntle eo

Unknown said...

Dumela tlhe Damaria. Ke kgatlegile ke go bona o butse bukana ya setswana. Go ka nna go ntle go bona o oketsa tse o di kwalang mo.

Unknown said...

Batho theng been looking for a poem titled "go nwela ga mendi" please please it just take me back, before i lost i lost my innocence back then ke na le di milk teeth, ke itse gore fa le kgolega le tlaa mela gape

Damaria Senne said...

Dumelang bagolo. Ke lebogile thata ga le etile fano.

@Kago Rebatenne, ke gopola 'Sekepe sa Mendi", fela ga ke gopole mafoko a otlhe. Nta be batlisise, ke botse le ditsala tsa me. Fa nka a bona mafoko ao, ke tla a kwala fano.

@Banyana M, ke tla oketsa maboko fa ke bona tshono eo. Bothata ke gore go ntsaya sebakanyana. Ke kopa gore o seka wa fela pelo.

@Katlego Malesa - Nako e nngwe pelo ya me a nna botlhoko that, gonne bana ba rona ga ba itse tswine ya leleme la bona. Ba ithaya ba re ga go tlhokege gore o itse/o bue Setswana fa o ithutile Sekgoa kgotsa o dirisa technology. Ga ba itse gore go monate jang go utlwa metlae le maboko mo puong ya rona. Ke ka moo ke lekang go ba beela boswa ba bona fa.

@Mmamashoabathe - Ke tla tswelela, Mma.

Unknown said...

ke itumeletse go bona mongw yo o tsayang matsapa a go netefatsa fa puo ya ga mme e bewa mo mafaratlhatlheng a segompieno. Tshwara jalo, o tiise! Lorato ke leo...

Unknown said...

Madume Mma, Go a itumedisa go buisa loleme lwa gaetsho. Ke tlile go tswelela ke buisa ka ke lemoga gore e ke tshono ya gore ke ithute puo ya gaetsho gape. Nnete ke gore go ne go setse go senyegile, e le sejatlhapi fela. Tswelela o kwala, o dira tiro e ntle e le tota. Malebo!

Unknown said...

Dumelang Mme. Ke lebohile thata ho ka kopana le saete ye e kwadilweng ka loleme la ha mme. Ke tlohile ke ithutile dintshi. O tswele pele ka tirahatso ye e hlapileng matsoho.

Ke morutisi, ka loleme la Sejahlapi. Ke itumella ka he ke lemohile hore ho sa na le batho bao re sa leng motlotlo ka BoAfrika jwa rona.

MoAfrika tota!
Pula!

Gerson Emanuels

Unknown said...

Madume Motsadi,

Pelo ya me e tletse boitumelo jo bo boitshegang, gore ke bo ke kgatlhane le blog ya gago. Tiriso e e matshetshe ya loleme lwa Setswana, e nthotloetsa mo go maswe. Ke boulela thata
ka puo e, bogolo jang fa e sa dirisiwe sentle. Ebile ke mokoo o thata gore le ba ba reng puo e e a nyelela, ba tla tswaba thata go itemogela gore Setswana se a gola, malebo go baretloetsi ba go tshwana le lona.

Nna ke moithuti wa puo ya Setswana, le puo ka kakaretso. Ke rata gore le nna ke nne mokwadi wa dibuka tsa Setswana, go thusa go godisa Setswana se.

Ke a leboga Mma.

Tshepo Ponesho
tshepo.ponesho@gmail.com
mafaratlhatlha a facebook ke: Tshepo Ponesho
Legae la tsalo: Taung, North West