.GoogleGenius-SEO {font-family: verdana; text-align: justify; color: #fff; font-size: 2px; line-height: 0.9; display: inline-table;}

Monday, June 27, 2016

Leboko la ba-Pitsoe

Ke nna motho wa gabo Seulaula Matlakala
Monna ga a Tlhaolwe Ramogopodi
Ngwana o monnyane wa Mma Senne

Dikgomo o di gapile
Chenepe ke nna Matakataka
Mollo ga o tuka,wa nkgatlha
O rata le nna ka tloga ka tuka

Ramagapa kgolo –a- tona
Magapa e tona tota
E thamaga letsutsa
Nkabo ke ile ka nna mogwe-kwa Kgofa
Ka nna mogwe wa ga Nkhufane kwa Kgofa
Ka nna kwa matshabatshabeng?
Ka nna ke bona sebilo se tlotsa Chenepe

Nku e kwa dinkung tsa RaPitsoe,
E e tsebe dintlha gaya tshwaiwa
Are ke nku yaka ya ga Nthakgathi
O ntse are selepe maremaganya aga  Ra- Pitsoe
Se ntse se rema ntsho mokokotlo
Khunwana sa e rema sefatlhego
A pula ene barwa'Pitsoe

Wednesday, June 1, 2016

Mme MmaSelina (Pina)



Mme MaSelina
Mosadi wa sekelema
O ruile ditshwene
Ka mo dikamoreng

Di lala di gotlhola x 3
Ka mo dikamoreng

Wednesday, May 25, 2016

Leboko la Ramodutwana



Morwa Senne a mmusane a mopota
Morwa Kgale a nnyane ka thipa
O go tweng nnane, le motimeng ba botlhe
Bana ba Ramodutwana ke Motseakgosi le Moepi.

Motseakgosi a re:
Ke nna Motseakgosi a mabala a Mokwena
Sepharampe sa ga Ramodutwana se go tweng:
"Khurumelang ke yoo o a tla go pharama batho mo metseng ya bone."
Segolobye sa ga Makgolela
Sa ga ke ntse ke rutubetse ga go ‘tsapa-le-mphisang-pelo

Ngwana  wa Mmanku Ditletseng a Machema
Nku di tletseng a Mfidikwe
Ngwana wa motse o fa Serokameleng o o okameng bo Tsebile.
Ngwana wa boMoepi a Ngope

Mokgonkgonyane wa ga Kgosi Ratsope,
Motho yo erileng bangwe ba laelwa kgomo
Ene a laelwa ngope
Yo erileng a ile go epa ngope,
A ribolla, a ba ntsha le bo Ntige ba bagolo.
Motho yo o noleng metsi a a monate.
A sediba se se kwa Mmammitlwe.

Ka na motho yo Moepi ke leitibolo la ga Ramodutwana.
A latelwe ke Motseakgosi
Ke ba-bina kwena
Ba e bine le motlhaka wa yona
Bana ba Sedibelo
Bana ba mpa e tshweu
Bana ba leru le le ntsho.

Sa botlhokwa: Leboko le, ke la bogologolo; la kutle ya ba-Ramodutwana ba kwa Senne. Ba-Senne ba na le dikutle (clan) tse pedi: ya ba Keledi le ya ba Ramodutwana. Ramodutwana ke monnawe Keledi, mme tshika yotlhe ya kwa Senne e tshotswe mo malapeng a bona. E rile moragonyana, ngwana wa kwa Senne o mongwe a itlhophela gore ba lelapa la gagwe ba fane ka Pitsoe. Le bona, e ntse e le bo-morwarra-Senne.

Go bana ba kwa Senne le Pitsoe: Le lalediwa go tla kopanong ya lelapa ka Lamatlhatso wa boraro wa kgwedi nngwe le nngwe. Maikaelelo ke gore re itsane ba botlhe. Ka jalo, fa o le Senne mme o batla go itse lelapa la eno, kgotsa gore batswadi ba gago ba tswa kae, nkwalele, mme ke tla go itsise gore kopano e e latelang a tla bo e le kae kgwedi eo. Malebo! 

Leboko la ga Senne


Ke nna Keledi a Mmakgale wa a bo monnana a Tshukudu,
Ke Mmachele wa gabo monna' Khuduge.

Mmachele o paotse babeodi  a re:
A ke beola motho e se ngwanake, 
E tswe yare a bona magadi a tshabe?

Ke teateane ngwana wa ga Senne,
Ke tlhotse ke teetiisa Makgale.

Ka Mme ka Mmapelo ke bakile,
Ga ke e go tlhola ke konopa Tshukudu,
Ke e bone e potolosa motho setlhare,
E tswe e le motho wa kwa Khula a Mosejane.

Mokgonkgonyane wa ga Kgosi Ratsope
O ntse a re: Ratsope o di epile kae?
A re ke di epile kwa Ntwetwe
ke batla bo-ntige ba bagolo.  


Sa botlhokwa: Lebobo le ke la bogologolo; le boka lelapa la kwa Senne.Le re tlhalosa gore re bo mang.


Go bana ba Mmulana: Bana botlhe ba kwa Senne le Pitsoe ba lalediwa kopanong ya lelapa ka Lamatlhatso wa boraro wa kgwedi nngwe le nngwe. Maikaelelo ke gore re itsane botlhe. Ka jalo, fa o le Senne mme o batla go itse lelapa la eno, nkwalele, mme ke tla go itsise gore kopano e tla bo e le kae kgwedi eo. Malebo!

Wednesday, May 18, 2016

Ngwedi


Source: Awakening Goddess

Kgosigadi tlhe dumela,
Wena tsatsi la bosigo,
Lefifi la phatlalala,
Fa o runya teng ga ntlo.

Kgosigadi re a leboga,
Poneso ya gago e kgolo,
Ra tswa matlung ra itisa,
Bana ba itaya kgati.

Phefo ya iteka thata,
Wa falola ka bonako,
Maru a leka go bipa,
Kgosigadi sefatlhego.

Ke mang yo o itseng tsela,
Ke mang yo o itseng kago,
O tikela kwa Bophirima,
Tlhabatsatsi ke botlhaba.

Sebakabaka ke tsela,
Koloi ya go ke phefo,
Ga re na go netefatsa,
Go itse Modimo fela.

Monday, February 8, 2016

A Re Baleng Ka Menwana



Ona ke kgonnonope monwana
Ona ke supa supa baloi
Ona ke thaba go aga baloi
Ona ke sebidibidi sa tlhaga
Ona ke photsana
Ona ke podile, o na le potsana, potsana le mogolo, seleketsa podi, tsuololo