.GoogleGenius-SEO {font-family: verdana; text-align: justify; color: #fff; font-size: 2px; line-height: 0.9; display: inline-table;}

Wednesday, May 25, 2016

Leboko la Ramodutwana



Morwa Senne a mmusane a mopota
Morwa Kgale a nnyane ka thipa
O go tweng nnane, le motimeng ba botlhe
Bana ba Ramodutwana ke Motseakgosi le Moepi.

Motseakgosi a re:
Ke nna Motseakgosi a mabala a Mokwena
Sepharampe sa ga Ramodutwana se go tweng:
"Khurumelang ke yoo o a tla go pharama batho mo metseng ya bone."
Segolobye sa ga Makgolela
Sa ga ke ntse ke rutubetse ga go ‘tsapa-le-mphisang-pelo

Ngwana  wa Mmanku Ditletseng a Machema
Nku di tletseng a Mfidikwe
Ngwana wa motse o fa Serokameleng o o okameng bo Tsebile.
Ngwana wa boMoepi a Ngope

Mokgonkgonyane wa ga Kgosi Ratsope,
Motho yo erileng bangwe ba laelwa kgomo
Ene a laelwa ngope
Yo erileng a ile go epa ngope,
A ribolla, a ba ntsha le bo Ntige ba bagolo.
Motho yo o noleng metsi a a monate.
A sediba se se kwa Mmammitlwe.

Ka na motho yo Moepi ke leitibolo la ga Ramodutwana.
A latelwe ke Motseakgosi
Ke ba-bina kwena
Ba e bine le motlhaka wa yona
Bana ba Sedibelo
Bana ba mpa e tshweu
Bana ba leru le le ntsho.

Sa botlhokwa: Leboko le, ke la bogologolo; la kutle ya ba-Ramodutwana ba kwa Senne. Ba-Senne ba na le dikutle (clan) tse pedi: ya ba Keledi le ya ba Ramodutwana. Ramodutwana ke monnawe Keledi, mme tshika yotlhe ya kwa Senne e tshotswe mo malapeng a bona. E rile moragonyana, ngwana wa kwa Senne o mongwe a itlhophela gore ba lelapa la gagwe ba fane ka Pitsoe. Le bona, e ntse e le bo-morwarra-Senne.

Go bana ba kwa Senne le Pitsoe: Le lalediwa go tla kopanong ya lelapa ka Lamatlhatso wa boraro wa kgwedi nngwe le nngwe. Maikaelelo ke gore re itsane ba botlhe. Ka jalo, fa o le Senne mme o batla go itse lelapa la eno, kgotsa gore batswadi ba gago ba tswa kae, nkwalele, mme ke tla go itsise gore kopano e e latelang a tla bo e le kae kgwedi eo. Malebo! 

No comments: