.GoogleGenius-SEO {font-family: verdana; text-align: justify; color: #fff; font-size: 2px; line-height: 0.9; display: inline-table;}

Friday, July 20, 2007

Ntatemogolo wa Sefofu


Ntatemogolo Moseki o ne a le mo tseleng
A ya kwa mabitleng
Gaufe le noka ya Legadigadi.

Fa a ntse a tsamaya, a bona masente a matlhano
A phatsima fa fatshe
A inama, a a sela.
A bo a a busetsa fa fatshe a re:
“Ga go na batho ba bantsi mo tseleng. Ka jalo, nta ke tlogele madi a teng fa. Ke tla a sela ga ke boa.”

Ntatemogolo Moseki a tsamaa tsamaa
A bo a bona masente a lesome
A e sela, a e lebelela
A bo a re: “Ga go na batho ba bantsi mo tseleng. Ka jalo, nta ke tlogele madi a teng fa. Ke tla a sela ga ke boa.”

Ntatemogolo Moseki a tsamaa tsamaa
A bo a bona ranta fa fatshe
A e sela, a e lebelela
A bo a re: “Ga go na batho ba bantsi mo tseleng. Ka jalo, nta ke tlogele madi a teng fa. Ke tla a sela ga ke boa.”

E rile fa a fitlha kwa nokeng
A kopana le Radikgomo
Radikgomo e ne e le mohumi o mogolo mo motseng
Rakgomo a mo dumedisa a re: “A le tshogile Ntate?”
Ntatemogolo Moseki a re o ntse a phela sentle.

Radokgomo are: “Ke itumelela go go bona Ntatemogolo. Ke ne ke rile ke tla tla kwa lapeng ke tle go go kopa fa o ka ntlhokomelela diesele tsa me. Moraka o senyegile; ka jalo ke tlhoka motho o a ka tshwarelang diesele go fitlha ke aga lesaka le lengwe. Motho yoo a ka nna a dirisa diesele go thusa batho mo motseng, a iterela masheleng a se kae.”

Ntatemogolo Moseki a gana. A re ene o ya kwa mabitleng, o ya go kopa masego mo badimong. “Ga ke e go itia ka diesele tsa gago, monna!”

A rile fa a fitlha kwa mabitleg, Ntatemogolo Moseki a rapela badimo sebaka se se telele.
A ba tlhalosetsa ka moo a lepileng go nna modidi
A kopa badimo gore ba mo tlhomogele pelo
A ba tshepisa gore o tla dira sengwe le sengwe se ba se batlang fa ba ka araba thapelo ya gagwe.

Fa a ya gae, Ntatemogolo Moseki o ne a ema mo tseleng kgapetsa kgapetsa
A batla madi a gagwe fa a beileng
Fela a seka a bona sepe.
Madi a ne a ile le naga, a iponetswe motho o mongwe.

Pelo ya ga Ntatemogolo Moseki e ne dutla madi fa a goroga kwa gae:
“ Mmabo, ke itheila ka re badimo ba tla utlwa dithapelo tsa rona. Fela go bonala e le disusu fela.”

Ntatemogolo Moseki o ne a bolelela mosadi was gagwe dilo tsotlhe tse di diragetseng mo tseleng. Mosadimogolo a thikitha tlhogo, pelo a le botlhoko! “ Rrabo, bothata ga se gore badimo ke disusu. Bothata ke gore o sefofu. Ga o bone masego le fa le eme fa pele gago le go kopa gore o le tsee o le ise gae.”

No comments: