.GoogleGenius-SEO {font-family: verdana; text-align: justify; color: #fff; font-size: 2px; line-height: 0.9; display: inline-table;}

Sunday, March 2, 2014

Sebokolodi


Sebokolodi
Selelemedi
Leitlho ke le lengwe
Leitlho ke la ga dingwe
Ijo nna nna ijo
Dingwe ke o
O tla a suma jaaka phefo.

Tshu tshu tshu; t
shu tshu tshu
Tsena fa
Tshu tshu tshu; tshu tshu tshu
Tswaya fa
Tshu tshu tshu; tshu tshu tshu
Ema fa
Tshu tshu tshu; tshu tshu tshu
Tsena fa
Ke ile kwa Bokgalagadi
Ke fitlhele le tsogile sentle

 

4 comments:

Unknown said...
This comment has been removed by the author.
Unknown said...

Setimela se lelemedi se lelemela le dipoa,sebokolodi se se ramaganyanana, se rapaletse le metlhaba se etla se rotlolola marapo......

Potso ke gore leboko le le neng le simolla jaana ene ele la ga mang kana?

Damaria Senne said...

Hai! Askies Onkemetse. Ga ke itse. Ke ntse ke batla mo Internet, ke botsolotsa fa nka kgonang teng. Fa e le gore oa itse, nka kwala leina la motho oo. Go bua nnete, nna ga ke re ke kwadile maboko a. Ke a baya fa go gopotsa batho gore maboko a a teng, gonne ke a gola mme fa ke lebala, le balekane ba me ba lebala, mme bana ba rona ba sa itse, go tlile go lebalwa gore maboko a a kile a bo a le teng. Ga ke batle gore re lebale.

Unknown said...

Re go leboga tota!